2 Samuel 2:23 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme le fa go ntse jalo a gana go fapoga; mme ka ntlha ya gone moo Abenere a mo swatlha mo mogodung ka ntlha ya theku ya lerumo la gagwe, mme lerumo la ya go tswa ka fa motlhaneng wa gagwe; mme a wela foo, a swela gone felong foo; ga dirala ya re botlhe ba ba fitlhang gone fa Asahele o wetseng a swela gone, ba ema.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a gana go menoga; mi Abenere a mo shuatla ka theku ea lerumo logopoñ loa bo‐faeve, mi lerumo ya mo phololela kua morago; mi a oela gona, mi a shuela heloñ hoñ: mi ga rihala, botle ba ba hitlañ heloñ ha Asahele o oetseñ a shuela gona, ba ema.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa yena a gana go fapoga; ka gona Abenere a mo itia ka lerumo la molala, le lerumo la tswa ka morago ga gagwe; a wela fase kua, a hwela fao.
Tswana Setswana 1970
Mme ya re a gana go fapoga, Abenere a mo tlhaba ka mhinyana wa lerumo mo mpeng, lerumo la ba la tswa ka kwa motlhaneng. Asahele a wa foo, a swela felong foo. Mme botlhe ba ba neng ba feta teng, fa Asahele a oleng a swela gona, ba ema.