2 Samuel 21:2 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kgosi ya bitsa Bagibeone, ya ba raya ya re, (le gale Bagibeone e ne e se ba bana ba Iseraele, ya bo e le ba masalela a Baamore; bana ba Iseraele ba ne ba ba ikanetse; e rile Saule a tlhoafaletse bana ba Iseraele le ba Juta, a batla go bolaya Bagibeone.)
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi khosi ea bitsa Bagibeona, ea ba raea, (mi Bagibeona e le e si ba bana ba Yeserele, e le le ba lesalela ya Baamora; mi bana ba Yeserele ba le ba ba ikanela: mi Saule a batla go ba khemetha ka go huhanela bana ba Yeserele le Bayuda.)
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa a bitsa Bagibeoni a re go bona: “Ba-Gibeoni e be e se ba bana ba Baiseraele, eupsa e be e le masaledi a Baamore;
Tswana Setswana 1970
Ke fa kgosi e bitsa Bagibeone, e ba botsa – kana Bagibeone e ne e se Baiseraele, mme e le masalela a Baamori. (Jaanong le fa Baiseraele ba ne ba ba ikanetse go ba rekegela, Saule o ne a ntse a ba bolaya ka go tlhoafalela Baiseraele le Bajuta.)