2 Samuel 23:10 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ene a nanoga a kgemetha Bafilisitia ga tsamaya letsogo la gagwe la lapa, le seatla sa gagwe sa huparela tšhaka; Jehofa a dira phenyo e kgolo ka tsatsi leo; batho ba bowa ba tla morago ga gagwe, ba tla go thopa fela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
A nanoga a khemetha Bafiliseta ea tsamaea atla sa gague sa lapa, E, atla sa gague sa ñaparela caka: mi Yehova a riha khololo e kholu ka tsatsi yeuo; mi bathu ba menogela go ena go thopa hela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A ema a otla Bafilisitia go fihlela seatla sa gagwe se lapa, seatla sa gagwe se kgomarela tshosa; Jehofa a dira phenyo e kgolo letsatsing leo; banna bao ba boa, ba mo latela feela go thopa.
Tswana Setswana 1970
ene a ema a bolaya Bafelesita ga tsamaya seatla sa gagwe sa ba sa lapa, mme seatla sa gagwe sa kgomarela mo tšhakeng, mo Morena o bileng a dira phenyo e kgolo ka letsatsi leo. Banna ba ba neng ba mo hularetse ba boa go thukhutha fela.