2 Samuel 23:21 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
a bolaya Moegepeto, e le monna yo o bopegileng sentle; Moegepeto o ne a tshotse lerumo; ene a fologela kwa go ene a tshotse tsamma fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lerumo la gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a bolaea Moegepeto, monona oa go leyoa: mi Moegepeto a na le lerumo mo atleñ sa gague; mi a ea go ena ka tsama, a phamola lerumo mo atleñ sa Moegepeto, a molaea ka rumo ya gague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A bolaya MoEgepeto, monna yo mogolo; MoEgepeto o be a swere tshosa ka seatleng; eupsa a theogela go yena a swere lepara, a ntsha lerumo seatleng sa MoEgepeto, a mmolaya ka lerumo la gagwe.
Tswana Setswana 1970
E bile ke ene yo o neng a bolaya monna yo montle wa Moegepeto. Moegepeto yoo o ne a tshwere lerumo ka seatla, mme ene a mo wela ka thobane fela, a phamola lerumo mo seatleng sa Moegepeto, a mmolaya ka lerumo la gagwe.