2 Samuel 5:9 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Dafite a aga mo kagong e e thata eo, mme a e bitsa Motse wa ga Dafite. Dafite a aga motse mo tikologong ya gone go tswa Milo le go ya kwa teng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Davide a nna mo kagoñ ea phemelo, a e bitsa, motse oa ga Davide. Mi Davide a aga tikologoñ go simolola ka Milo le kua teñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Dafita a dula seboeng seo, a se bitsa motse wa Dafita. Dafita o ile a aga se sengwe le se sengwe go tloga Millo le ka gare ga naga.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Dafita a nna mo motseng o o femetsweng oo, a o bitsa mošate wa ga Dafita. Dafita a aga motse mo tikologong go tswa kwa Milo go ya kwa gare.