2 Samuel 6:19 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A abela batho botlhe, e bong bontsi jotlhe jwa Baiseraele, banna le basadi, a naya mongwe le mongwe papetlana ya senkgwe, le kabelo ya nama le papetlana ya ditshwabi tsa mefine. Mme batho botlhe ba tloga, mongwe le mongwe a ya ga gabo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a abela bathu botle, eboñ bontsi yotle yoa Bayeserela, le bona basari yaka banona, moñue le moñue, kholokue e le eñue ea señkhue, le khabetlela e le eñue ea nama, le moñoloi o le moñue oa movina. Mi moñue le moñue oa bathu botle a ea kua tluñ ea gague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gare ga setshaba ka moka, lesaba ka moka la Baiseraele, gotee le basadi go swana le banna, yo mongwe le yo mongwe a abela senkgwa, le nama ye botse, le folaga ya beine. Ka moka bohle ba ile gae.
Tswana Setswana 1970
A ba a abela bontsi jotlhe jwa morafe wa Iseraele, banna le basadi, mongwe le mongwe senkgwana se le sengwe le kabelo ya nama le senkgwana sa maswabi a moweine se le sengwe. Jaanong morafe otlhe wa ya kwa gae, mongwe le mongwe kwa lapeng la gagwe.