2 Thessalonians 2:1 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana re a lo rapela, bagaetsho, ka ga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete, le go phuthegela ga rona kwa go ene;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI yana, bakauleñue, rea lo rapela ka go tla ga Yesu Keresete Morena oa rona, le ka phuthegelo ea rona go ena,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme jaanong, ga tweng kaga go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete gape, le go phuthega ga rona go mo kgatlhantsha? Tswee-tswee se tshikinngweng megopolo fela e le go fuduiwa, bakaulengwe ba ba rategang, ke puo e e reng letsatsi le la Morena le setse le bile le simologile. Fa lo utlwalela batho ba ba bonang diponatshegelo le melaetsa ya botlhokwa e e tswang kwa Modimong kaga sone se, kgotsa dikwalo tse di kaiwang di tswa kwano go nna, se ba dumeleng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bjale bana beso, re a le kgopela ge Morena wa rena Jesu Keresete a boa le ka go bokana ga rena le yena.
Tswana Setswana 1970
Ba ga etsho, re lo rapela ka ntlha ya go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete le ka ntlha ya go phuthegela ga rona kwa go ene