2 Timothy 4:17 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme Morena o ne a ema fa go nna, a ba a nnaya thata; e le gore taetso e tle e bolelwe ka botlalo ka nna, le gore Baditšhaba botlhe ba utlwe; ka gololwa mo molomong wa tau.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Leha gontse yalo Morena o la a ’nkemanokeñ, mi a ’nthatahatsa; gore thero e itsioe ka botlalo ka ntla ea me, lo gore bahaitene botle ba e utlue; mi ka gololoa mo molomoñ oa tau.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Morena o ne a ema le nna, a nnaya lobaka lwa go rera thero yotlhe ke sena poifo gore lefatshe le utlwe. Mme o ne a mpoloka gore ke se latlhelwe mo ditaung.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa Jehofa o ile a ema kgauswi le nna lea ntlafatsa; e le gore ka nna boboledi bo tsebje ka botlalo leBaditshaba ka moka ba kwe; ka pholoswa molomong wa tau.
Tswana Setswana 1970
Mme Morena ene o ne a ema le nna, a nthatafatsa gore ke tle ke rere Efangele go ya bokhutlong, mme baheitane botlhe ba utlwe; ka ba ka gololwa mo leganong la tau.