Acts 10:40 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ene Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, mme wa mo naya gore a bonadiwe;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Eo, Morimo o mo cositse ka tsatsi ya bo‐teri, oa mo naea gore a bonatsege,
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme Modimo o ne wa mo tshedisa gape morago ga malatsi a mararo, mme wa mmontsha basupi bangwe ba Modimo o neng o sale o ba tlhopha pele, e seng mongwe le mongwe, mme e leng rona ba re neng ree ja re ba ree nwa nae a sena go tsoga mo baswing.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Modimo a mo tsosa ka letsatsi la boraro, a mmontsha pepeneneng;
Tswana Setswana 1970
Ene yoo Modimo o mo tsositse ka letsatsi la boraro, wa dira gore a bonale,