Acts 14:15 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
ba re: “Banna, lo direlang dilo tse? Le rona re batho ba re nang le maikutlo a a etsang a lona, re lo leretse Mafoko a a Molemo a go re, lo tlogele dilo tse tsa boithamako, lo sokologele mo Modimong o o tshedileng, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ba re, Banona, ana lo rihelañ lilo tseuo? Re bathu ba re nañ le maikutlo a a cuanañ le a lona, mi re lo rerela gore lo ipose mo liloñ tse tsa boithamako go ea go Morimoñ o o tserileñ, o o rihileñ legorimo le lehatse, le leoatle, le cotle tse ri mo go eona;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
“Banna! Lo dirang? Re batho fela jaaka lona! Re tletse go lo neela Mafoko a a Molemo gore lo lalediwa go tlogela kobamelo ya dilo tsa bomatla mme mo boemong jwa moo go rapela Modimo o o tshelang one o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le sengwe le sengwe se se mo go tsone.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A re: Bahlomphegi, ke ka baka la’ng le dira dilo tse? Le rena re banna ba difisegelo tse di swanago le lena, re le botsa gore le tlogele dilo tse tsa lefeela go Modimo yo a phelago yo a dirilego legodimo le lefase le lewatle le tsohle tse di lego go tsona.
Tswana Setswana 1970
ba re: “Banna, lo direlang jalo? Kana le rona re batho fela jaaka lona, re lo rerela Efangele gore lo tlogele medimo e e seng yona, lo sokologele kwa Modimong o o phelang, o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsona;