Acts 16:39 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
mme ba tla ba ba rapela; e rile ba sena go ba ntshetsa kwa ntle, ba ba lopa gore ba tswe mo motseng, ba tsamaye.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba tla ba ba rapela, mi ka ba sina ba gogela ntle, ba eletsa gore ba coe mo motseñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba tla ba ba lopa, ba ba ntsha, ba ba kgopela gore ba tloge motseng.
Tswana Setswana 1970
jaanong ba tla, ba ba rapela. Ya re ba sena go ba ntsha, ba ba kopa gore ba tloge mo motseng.