Acts 18:2 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A fitlhela Mojuta mongwe, yo go tweng Akwila, e le motho wa kwa Ponto ka fa losikeng, yo e leng gone o tswang kwa Itale, a na le Perisila mosadi wa gagwe, ka gobo Kelaudio a ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tswe mo Roma; mme Paulo a ya kwa go bone;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a bona Moyuda moñue eo o birioañ Akuile, oa lotsalo loa Ponte, eo o la a simola a coa Itale, le mogatse Peresile; (gone Kalaudio a la a laotse gore Bayuda botle ba huruge mo Roma;) mi a ea go bona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A hwetsa Mojuda yo mongwe yo a bitswago Akhwila, yo a belegetswego Ponto, yo a sa tswago go tswa Italy, a na le mosadi wa gagwe Prisila. (Ka gobane Klaudio o be a laetse Bajuda ka moka gore ba tloge Roma) lea tla go bona.
Tswana Setswana 1970
A fitlhela Mojuta mongwe teng yo leina la gagwe e leng Akwila, e le yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo e leng gona a tswang kwa Italia, a na le Perisila mosadi wa gagwe; ka gonne Kelaudio o ne a laotse gore Bajuta botlhe ba tloge mo Roma, mme Paulo a ya kwa go bone.