Acts 19:29 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Motse wa tlala pheretlhego, mme ya re ba sena go tshwara Gaio le Arisetareko, e le banna ba Maketonia ba ba patileng Paulo mo loetong, ba phomegelela gongwe kwa kagong ya botshamekelo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi motse otle oa tlala tlakanyo; mi ka ba cuere Gaiu, le Arisetareko, banona ba Makedonia, bañue ka Paulo ba loeto, ba thubegela mogo kua heloñ ga ponelo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Bontsi jo bogolo jwa batho jwa simolola go phuthega mme ka bofefo motse wa tlala pheretlhego. Mongwe le mongwe a tabogela kwa kagong ya botshamekelo, ba swaswaila Gaio le Arisetareko, bapati ba ga Paulo go ya go sekisiwa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Motse ka moka wa tlala kgakanego; leka morago ga ge ba thopile Gayo le Aristareko, banna ba Matsedonia, basepedi-gotee le Paulo, ba kitimela lefelong la boithabiso ka kwano e tee.
Tswana Setswana 1970
Mme motse wa tlala pheretlhego, ba tabogela mo lebaleng la tshamekelo ka bongwefela jwa pelo, ba sena go tshwara Gayo le Aristarego Bamaketonia, bapati ba ga Paulo.