Acts 25:23 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jalo ya re ka moso, Ageripa a sena go tla, a na le Berenise, ka boitlotlomatso jo bogolo, ba isiwa mo felong ga kutlwelo, ba na le beng ba mephato, le ditlhogo tsa motse. Mme Paulo a tlisiwa ka taolo ya ga Feseto.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi eare ka mosho Ageripe a sina tla, le Berenise, ka khabo e kholu, mi ka ba sina tsena mo tluñ ea kutluelo, le balaori ba ba thousanda, le bagoluane ba motse; ga laoloa ki Fesito gore Paulo a lerioe.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme erile letsatsi le le latelang, morago ga Kgosi le Berenise ba goroga mo Kgotleng ka boitlotlomatso jo bogolo, ba patilwe ke matona a masole le banna ba ba tlotlegang ba motse, Feseto a laola gore Paulo a leriwe mo teng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Letsatsing le le latelago, ge Agaripa le Bernise ba fihla ka letago le legolo, ba tsena lefelong la tsheko, gotee le babusi le banna ba motse, Paulo a tliswa ka taelo ya Fesito.
Tswana Setswana 1970
Kamoso Ageripa a tla le Berenike ka tlotlomalo e kgolo, ba tsena mo ntlong ya lekgotla le balaodi-ba-sekete le banna ba ba tlotlegang ba motse. Ke fa Paulo a tsisiwa ka taelo ya ga Feseto.