Acts 26:11 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka ba betsa gantsi mo matlong a thuto otlhe, ke leka gore ba tlhapatse; ya re ka ke ba gakaletse thata, ka ba bogisetsa le kwa metseng ya mafatshe a sele.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ki le ka ba betsa ka gantsi mo masenagogeñ aotle, mi ka ba kholela go khala; mi ka ki ba galehetse ka botseno yoa tsito, ka ba bogisetsa le mo metseñ e sele.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ke ne ke tlhokofatsa Bakeresete gongwe le gongwe go leka gore ba hutse Keresete. Ke ne ke le bogale thata mo go bone mo ke neng ka bogisa le ba metse e e kgakala mo mafatsheng a sele.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gantsi ke be ke ba otla sinagogeng e nngwe le e nngwe, ke ba gapeletsa go roga maroga; ka ge ke be ke ba galefetse kudu, ka ba tlaisa metseng e sele.
Tswana Setswana 1970
Ke ne ke ba betsa gantsi mo disenagogeng tsotlhe, ke ba pateletsa go kgala, mme ya re ka ke ba gakaletse mo go fetisang, ka ba ka ba bogisa le kwa metseng e e ka kwa ntle.