Acts 27:2 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ra tsena mo sekepeng sengwe sa Ateramutiume, se se tlaa tlogang se leba kwa metseng ya Asia e e ikamileng lewatle; ra ineela mo lewatleng, re na le Arisetareko, e le Momaketonia wa Thesalonika.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ra tsena mo shepeñ sa Aderamitio, ra ea ka boitlomo go ipapatha re limota tsa Asia; mi Aresetareko, Momakedoni oa Tesaloni, a bo a na le rona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme re ne ra tsamaya ka sekepe se se neng se ya kwa Gerika, se se neng se rulaganyeditswe go ema gantsinyana mo mafelong a sekae mo lotshitshing lwa lewatle la Asia. Ke tshwanetse go bolela gore Arisetareka wa Mogerika yo o neng a tswa kwa Thesalonika o ne a na le rona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Re namela sekepe sa Adramittium, ra sesa, re ikemiseditse go sesa mabopong a Asia; Aristareko o tee, Momatsedonia yo a tswago Thesalonika, a na le rena.
Tswana Setswana 1970
Ra palama mokoro mongwe wa Ateramite o o neng o ya kwa mafelong a Asia a a ikamileng lewatle. Ra tsamaya re na le Aristarego wa kwa Thesalonika mo nageng ya Maketonia.