Acts 28:23 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E rile ba sena go mo kaela letsatsi, ba ya kwa go ene ba le bantsi, kwa ntlong e o ntseng mo go yone; mme a ba phutholelela kgang e, a supa ka ga bogosi jwa Modimo; go simolola ka moso le go ya maitseboeng, a nna a leka go ba kgona ka ga Jesu, ka molao wa ga Moše, le ka baperofeti.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi erile ba sina mo laolela motla, ga tla bontsi go ena ha o agileñ gona; yo o bo phuthololetseñ bogosi yoa Morimo, a simolola mo moshoñ le go mabanyane, a bo itsise, a bo tloahalela kaga lilo tsa ga Yesu, ka molao oa ga Moshe le baperofeti.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme ga tlhongwa nako, mme ka letsatsi leo ga tla batho ba le bantsi mo tlung ya gagwe. A ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo a bo a ba ruta kaga Jesu mo Dikwalong, go tswa mo dikwalong tsa ga Moshe tse tlhano le dikwalo tsa baporofiti. A simolola a ruta mo mosong go fitlhelela maitseboa!
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ge ba mo beile letsatsi, ba bantsi ba tla go yena lefelong la gagwe la bodulo; a ba hlalosetsa le go hlatsela Mmuso wa Modimo ka go ba kgodisa mabapi le Jesu, go tswa molaong wa Moshe le go baporofeta, go tloga mesong go fihla mantsiboa.
Tswana Setswana 1970
Ya re ba sena go mmeela letsatsi, ba bantsi ba tla kwa go ene mo ntlong e o ntseng mo go yona, a ba phuthololela tsa puso ya Modimo, a supa ka ga yona; go tloga mosong go ya maitsiboeng a leka go ba kgona ka molao wa ga Moše le ka baporofeti gore ba dumele mo go Jesu.