Acts 28:6 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bone ba bo ba lebeletse fa a tlaa ruruga, le fa e le go tshoga ka a ngatega fela. E rile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele, ba bona a sa dirafalelwe ke molato ope, mme ba fetoga megopolo ba re: “Ke modimo mongwe.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba lebelela ha a tla ruruga, leha e le go oa, go shua, ka bonako; mi ka ba sibolo lebelela, ba sa ka ba bona sepe se se boshula se hitla go ena, ba hetola khopolo tsa bona, ba re, Ki morimo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme batho ba solofela gore ba tlaa bona a ruruga kgotsa a wa fela ka tshoganetso a a swa; mme erile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele mme go sena kgobalo epe mo go ene, ba fetola megopolo ya bone mme ba re ke modimo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ba ile ba lebelela ge a swanetse go ba a rurugile goba a wela fase gateetee a hwile; eupsa ka morago ga ge ba lebelela nako e telele leba se bone bobe bjo bo tsenago go yena, ba fetola menagano ya bona leba bolela gore ke modimo.
Tswana Setswana 1970
Bone ba bo ba lebeletse gore o tla ruruga, gongwe a wele fa fatshe, a swe ka bonako. Ya re ba sena go lebelela nako e telele, mme ba sa bone sepe se se bosula se mo tlela, ba fetoga mogopolo ba re: “Ke modimo.”