Acts 9:21 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Botlhe ba ba mo utlwang ba gakgamala ba re: “Yo, a ga se ene yo o rileng kwa Jerusalema a senyaka ba ba bitsang leina le? O ne a bile a tsile mono ka gone moo, gore a ba golege a ba ise fa pele ga ditlhogo tsa baperesiti.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi botle ba ba mo utluañ, ba gakhamala, ba re, A eo a ga si ena eo o la a senya bona ba ba bitsañ leina ye mo Yerusalema, mi a tlile monu ka mouo, gore a ba ise ba golegiloe kua baperisetiñ ba bagolu?
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba hakgamala. Ba ne ba botsa ba re, “A monna yo ga se ene yo o neng a bogisa thata balatedi ba ga Jesu kwa Jerusalema? Mme re utlwa gore o tletse fano go tla go ba tshwara botlhe mme a ba golega go ba isa kwa baperesiting ba bagolo.”
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa bohle bao ba mo kwelego ba makala leba re; Na ga se Yena yo a bolailego bao ba bitsago Leina le kua Jerusalema lea tla mo ka morero wa go ba tlisa ka dithapo tsa diatla go baperisita ba bagolo?
Tswana Setswana 1970
Mme botlhe ba ba utlwang ba rerega ba re: “Yo a ga se ene yo o neng a dira setlhogo kwa Jerusalema mo go ba ba bitsang Leina leo, mme le mono o ne a tletse sona seo gore a ba golege, a ba ise fa pele ga baperesiti ba bagolo?”