Amos 4:10 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Ke lo tliseditse kgogodi e e tshwanang le ya Egepeto; makau a lona ke a bolaile ka tšhaka, ke tlositse dipitse tsa lona; go nkga sebodu ga bothibelelo jwa lona ke go tlhatloseditse mo dinkong tsa lona; le fa go ntse jalo ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki isitse pesetelense go lona, yaka eona ea Egepeto: ki bolaile makau a lona ka caka, le cona pitse tsa lona tse ri thopiloeñ: mi moñkho oa seboru oa matlaolelo a lona ki o tlatlose-ritse mo maroheñ a liñko tsa lona: mi leha gontse yalo ga loa ka loa boela go ’na, go bua Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka rometse leuba la leuba ka mokgwa wa Egepeto; Ka dirile monkgo wa malao a gago go fihla dinkong tsa gago; eupsa ga se wa retologela go nna,” o re’alo Jehofa.
Tswana Setswana 1970
“Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.