Amos 9:1 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka bona Morena a eme fa sebesong, a re: “Itaya ditlhogwana tsa dikgoro, gore direpudi di reketle, o di thubaganyetse mo ditlhogong tsa bone botlhe; mme ke tlaa bolaya ba ba setseng ka tšhaka; ga go ketla go phela ope wa bone; ga go ketla go falola ope wa bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
KA bona Morena a eme ha aletareñ: mi a re, Daea searamo se se kua gorimo, gore liripuri tsa moyako li tlakasele: mi u li thubaganye mo tlogoñ cotle; mi ki tla bolaea bahulari ba bona ka caka: eo oa bona eo o tsabañ ga a kitla a tsabela rure, le eo o phelañ go bona ga a kitla a ipherisa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka bona Morena a eme sebesong, ka re: Tswa ka kgorong ya ka godimo, mojako o sisinyege; o tla di kgaola ka moka hlogong; ka tla bolaya wa mafelelo wa bona ka tshosa;
Tswana Setswana 1970
Ke ne ka bona Morena a eme a okame aletare a re: “Itaya tlhogo ya leotwana gore direpodi di reketle, o di thubaganyetse mo ditlhogong tsa bone botlhe, ba ba setseng mo go bone ke tla ba bolaya ka tšhaka, ga go na motshabi ope wa bone yo o ka falolang, ga go na mofalodi ope mo go bone yo o ka phologang.