Daniel 5:21 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A lelekwa mo baneng ba batho; pelo ya gagwe ya ediwa ya diphologolo, le boago jwa gagwe jwa nna mo dieseleng tsa naga; a hudisiwa bojang jaaka dikgomo, mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo; ga tsamaya a itse fa Modimo o o Mogodimodimo o busa mo bogosing jwa batho, le go re, o bo laodisa mongwe fela yo o mo ratang.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a lelekoa mo baneñ ba bathu; mi pelu ea gague ea rihoa yaka ea tse ri tserileñ, le bonno yoa gague bo le bo na le liesela tse ri tlaga: ba mo hurisa morogo yaka likhomu, mele oa gague oa koloberioa ka monyo oa legorimo; ea tsamaea a itse ha Morimo oa gorimorimo o busa mo magosiñ a bathu, a o a laorisañ ba o ba ratañ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A bolokwa le bana ba batho; pelo ya gagwe e swana le dibata, o phela le dipere tsa naga; go fihlela a tseba gore Modimo yo Mogodimodimo o busa mmusong wa batho, le gore o hloma yo a ratago.
Tswana Setswana 1970
A lelekwa mo bathong, pelo ya gagwe ya nna jaaka ya phologolo, a nna le diesele tsa naga, a fudisiwa bojang jaaka dikgomo; mmele wa gagwe wa kolobediwa ke monyo wa legodimo, ga tsamaya a be a itse, fa Modimo o o godimodimo o na le thata mo bogosing jwa motho, o bo neela yo o ratang go bo mo neela.