Daniel 8:4 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka bona phelefu e segolela ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya botsheka, le ya borwa; mme go ne go se na ditshedi dipe tse di ka emang fa pele ga yone, le gone go no go se na ope yo o ka gololang mo go yone; ya dira se e se ratang, mme ya ikgodisa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ka bona pheleu e shegolela kua Ueseteñ, le kua Noreteñ, le kua Souteñ; mi ga bo go si na tse ri tserileñ tse ri nonohileñ go ema ha pele ga eona, le esiñ tse ri ka gololañ mo nonohoñ ea eona; mi ea riha kaha nateheloñ ea eona, mi ea na kholu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka bona kgapa e kgorometsa ka bodikala, le leboa le borwa; mo e lego gore go be go se na sebata seo se bego se ka ema pele ga gagwe, e bile go se na se se ka pholosago seatleng sa gagwe; eupsa a dira ka mo a ratago, le a gola.
Tswana Setswana 1970
Ka bona phelehu e thulela kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa, go se na phologolo epe e e kgonang go emelana nayo, go se na ope yo o ka gololang mo thateng ya yona; ya dira ka fa e ratang ka teng, ya nna kgolo.