Deuteronomy 1:28 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Re a bo re tlhatlogela kae? Bomorwa rraetsho ba re nyerisitse marapo ba re: Batho bao ba bokete, ba bile ba godile bogolo go rona; metse eo e megolo, e bile e thekeleditswe ka dithako tse di fitlhang kwa marung; gape re bonye bomorwa Baanake teng.’
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Re tla ea kae? bana ba bo‐rra ecu ba tlapolositse pelu tsa rona, ba re, Bathu ba, ba ima, mi ba lele bogolu go rona; mi metse ea bona e meima, mi e hemelecoe legorimoñ: le gona re bonye bana ba Baanaka gona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Re tla rotogela kae? bana babo rena ba re nola moko, ba re: Setshaba se segolo le se se telele go re feta; metse e megolo, yeo merako e fihlago legodimong; re bona bana ba Anaka moo.
Tswana Setswana 1970
Re ka tlhatlogela kae? Ba ga rona ba re kgobile marapo ka go bua ba re: Morafe wa teng o mogolo, o moleele bogolo go rona; metse e megolo e femetswe go fitlha kwa legodimong. Le mekaloba re e bonye teng!’