Deuteronomy 15:9 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
O itise gore go se nne mogopolo o o bosula mo pelong ya gago, wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa o atametse, e bong ngwaga wa kgololo,’ mme leitlho la gago le nna bosula fa le leba ngwana wa ga rraeno wa sehumanegi, mme o gana go mo naya sepe; mme a goela kwa go Jehofa ka ga gago, mme go nne boleo mo go wena.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Itiseñ gore go si ne huku lepe ya boñkholu mo peluñ tsa lona, ye le reñ, Ñuaga oa boseven, ñuaga oa thebolo o atamela; mi maitlo a lona a shulahalela ñoana oa ga rra enu eo e leñ motloki, mi lo sa mo nee sepe; mi a lo biletsa Yehova, mi se na boleo go lona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Hlokomela gore pelong ya gago e se ka ya rotoga kgopolo e kgopo, e re: “Ngwaga wa bosupa, ngwaga wa go lokollwa, o batametse; le leihlo la gago le be le lebe go ngwaneno wa modiidi, le o se mo nee selo; O biditse Jehofa kgahlanong le wena, le e tla ba sebe sa gago.
Tswana Setswana 1970
Itise, e se re gongwe ga nna mogopolo o o bosula mo pelong ya gago wa go re: ‘Ngwaga wa bosupa wa go phimola melato o gaufi!’ mme leitlho la gago la leba wa ga eno wa mohumanegi ka bopelompe, mme wa mo tima, mme a goela Moreneng ka ntlha ya gago, ga ba ga nna boleo mo go wena.