Deuteronomy 17:15 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kwa ntle ga dilo tsotlhe, o ipeele kgosi e le motho yo Jehofa Modimo wa gago o tlaa mo itshenkelang; o ipeele kgosi motho yo o leng mongwe wa bana ba rraeno; o se ka wa ipeela kgosi motho yo o leng wa ditšhaba, yo e seng ngwana wa ga rraeno.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Lo itaolele rure khosi e Yehova Morimo oa lona o e itseñkelañ: lo itaolele moñue khosi oa bana ba ga rra enu; ga lo kake loa itaolela moeñ, eo esiñ ñoana oa ga rra enu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O tla bea yena yo Jehofa Modimo wa gago a tlago go mo kgetha; bea yo mongwe wa bana beno kgosi ya gago; o se ka wa kgetha mofaladi yo e sego ngwaneno.
Tswana Setswana 1970
gona o ipeele kgosi e Morena, Modimo wa gago, o tla e tlhophang; e bong kgosi e e leng mongwe wa ba ga eno; ga o a tshwanela go ipeela monna wa setšhaba se sele yo e seng wa ga eno.