Deuteronomy 23:8 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Bana ba kolomana ya boraro ba ba ba tsholang ba ka tsena mo phuthegong ya ga Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Bana ba ba tla ba tsaleloañ, ba ka tsena mo phuthegoñ ea ga Yehova mo sikeñ loa boteri loa bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bana ba bona molokong wa boraro ba tla tsena phuthegong ya Jehofa.
Tswana Setswana 1970
Bana ba bone ba ba tsalwang mo losikeng lwa boraro ba ka tsena mo phuthegong ya Morena.