Deuteronomy 28:63 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Go tlaa dirala, go re, jaaka Jehofa a ne a lo itumelela go lo direla molemo, le go lo ntsifatsa; Jehofa o tlaa lo itumelela jalo go lo nyeletsa, le go lo senya; mme lo tlaa khumolelwa koo mo lefatsheng le o tsenang kwa go lone o ya go le rua.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi go tla rihala, yaka Yehova a la a lo itumelela go lo rihela molemo, le go lo intsihatsa; yalo Yehova o tla lo itumelela go lo nyeletsa, le go lo senya; mi lo tla khumoloa mo hatsiñ ye lo eañ go yeona go le rua.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona Jehofa a thabela go le direla tse botse le go le atisa; ka baka leo Jehofa o tla thabela go go fedisa, a go fedisa; o tla tsewa nageng yeo o yago go e tsea.
Tswana Setswana 1970
Morena o tla itumelela go lo isa tatlhegong le go lo nyeletsa fela jaaka a ne a lo itumelela, a lo direla molemo le go lo atisa, mme lo tla gogolwa mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua.