Ecclesiastes 5:2 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
O se ka wa phamoga ka molomo, mme a pelo ya gago e se nne bonako go bua sengwe fa pele ga Modimo; gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng; mme ke gone, a mafoko a gago a nne makhutshwane.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Si phamoge ka molomo oa gago; mi a pelu ea gago e si akohe go bua señue ha pele ga Morimo: gone Morimo o kua legorimoñ, mi uena u mo hatseñ, ki gona a mahuku a gago a ne manye.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O se ka wa akgofela molomo wa gago, pelo ya gago e se ka ya akgofela go bolela selo pele ga Modimo, gobane Modimo o legodimong, le wena o lefatsheng, gobane Modimo o legodimong, le wena o lefatsheng. Ka fao mantsu a gago a swanetse go ba a mannyane.
Tswana Setswana 1970
Ikakanye o ise o bue; a pelo ya gago e se ka ya itlhaganela go ntsha lefoko fa pele ga Modimo. Gonne Modimo o kwa legodimong, mme wena o mo lefatsheng. Ke gona he, a mafoko a gago a se nne mantsi.