Ephesians 2:15 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
ka a nyeleditse mo nameng ya gagwe kilano, e bong molao wa ditaolo tse di emeng mo ditaong; gore a bope motho a le mongwe fela yo moša ka ba babedi, mo go ene ka esi, mme a dire kagiso jalo;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ka a nyeleritse khañ mo nameñ ea gague, eboñ molao oa litaolo, tse ri nañ mo mekhueñ; gore a bope ka ba tu, mothu a le moñue hela eo mosha mo go ena, go agisa;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ka loso lwa gagwe o khutlisitse tsogologano le pifelano fa gare ga rona, e e neng e dirwa ke melao ya Sejuta e e neng e sireleditse Bajuta fela e kgetholola Badichaba, gonne o swetse gore a phimole tsela eo yotlhe ya melao ya Sejuta. Mme a tsaya ditlhopha tse pedi tse di neng di sa utlwane a di dira ditokololo tsa gagwe; ka go dira jalo a re bopaganya go nna motho a le mongwe yo mosha, mme lwa bofelo ga nna kagiso.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O ile a fedisa bonaba nameng ya gagwe, ee, molao wa ditaelo wo o lego melaong; gobane go itirela motho o tee yo mofsa go ba babedi, ka tsela yeo a dire khutso;
Tswana Setswana 1970
ka go tlosa molao wa ditaolo tse di beilweng gore a bope motho yo mošwa a le mongwe fela mo go ene ka ba babedi bao, ka go dira kagiso;