Esther 2:12 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana ya re go tla lobaka lwa morweetsana mongwe le mongwe lwa go tsena kwa kgosing Ahasueruse, morweetsana a sena go direlwa ka fa molaong wa basadi, ka dikgwedi di le 12 (gonne motlha wa maitshekiso a bone o ne o dirafadiwa jalo, ke go re ka dikgwedi di le thataro ba iphorole ka lookwane lwa mura, le ka dikgwedi di le thataro ba iphorole ka dinkga monate, le ka dilo tsa go itshekisa basadi).
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi eare phapano ea moroetsana moñue le moñue ea atamela go ea go Ahasueruse khosi, morago ga likhueri li tueleve tsa gague, kaha molaoñ oa basari, (gone malatsi a litsekisho a uerioa yalo, eboñ likhueri li sekes ka loukuane loa mera, le likhueri li sekes ka lilo tsa loñko, le lilo liñue tsa litsekisho tsa basari;)
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ge ba fihla go Kgosi Ahasiwerosi ka dikgwedi tse lesomepedi, go ya ka mokgwa wa basadi, ka gobane matsatsi a bona a tlhwekiso a be a fedile, ka gore ka kgwedi ya botshelela mafura a mira le dikgwedi tse tshela. Ka senkgisa-bose, le dilo tse dingwe tsa bohlweki bakang sa basadi;
Tswana Setswana 1970
Jaanong e ne ya re go tla nako ya morweetsana mongwe ya go tsena kwa kgosing Ahasewerose, fa a sena go direlwa ka fa tshwanelong ya basadi dikgwedi di le 12 – gonne ntlafatso ya bone e ne e tsaya sebaka se se kana, e dirwa dikgwedi di le thataro ka lookwane lwa mera le dikgwedi di le thataro gape ka ditlolo tse di nkgang monate le ka tse dingwe tsa go iphotla ga basadi –