Esther 2:3 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme kgosi e tlhome balaodisiwa mo dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe otlhe a bogosi jwa yone, gore ba tle ba phuthele basetsana ba makgarebana ba bantle botlhe kwa Shušane motse wa kgosi, kwa ntlong ya basadi, ba nne mo tlamelong ya ga Hegai moopafadiwi wa kgosi, le modisa wa basadi; mme ba newe dilo tsa bone tsa boitshekiso.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a khosi e laolela balebalebi mo khaoloñ tsa bogosi cotle tsa bogosi yoa eona, gore ba phuthele paliso ea Shushana baroetsana ba makharebe ba baiñtle botle go leyoa, kua tluñ ea basari, e e mo taoloñ ea Hege kala ea khosi, le muluki oa basari; mi a ba neoe lilo tsa bona tsa itsekisho:
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Anka kgosi e kgethe balaodi dileteng ka moka tsa mmuso wa yona, gore e kgobokatse dikgarebe ka moka tse dibotse mosate le ntlong ya basadi, ka tlase ga tlhokomelo ya Hege, mohlokomedi wa ntlo ya kgosi, mohlokomedi ya basadi; ba filwe dithoto tsa bona tse di hlwekilego.
Tswana Setswana 1970
A kgosi e tlhome baokamedi mo mafatsheng otlhe a puso ya yona gore ba tle ba phuthele barweetsana botlhe ba makgarebe a mantle kwano Susane yo o femetsweng mo ntlong ya basadi, ba nne mo tlamelong ya ga Hekai modiredi wa lapa la kgosi, modisa wa basadi, mme ba newe tsa go intlafatsa mmele.