Esther 4:11 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Batlhanka botlhe ba kgosi, le batho ba dikgaolo tsa mafatshe a kgosi, ba itse gore le fa e le mang, monna kgotsa mosadi, yo o tlaa tsenelang kgosi kwa lwapeng lo lo kwa teng, e le yo o sa bidiwang, go na le molao o le mongwe fela ka ga gagwe, ke go re a bolawe, fa e se yo kgosi e tlaa mo ntshetsang thobane ya gouta ya bogosi, gore a tle a tshele; mme go fetile malatsi a le 30 ke ntse ke sa bidiwe, gore ke ye go tsena kwa kgosing.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Batlañka ba khosi botle, le bathu ba likhaolo tsa bogosi tsa khosi, ba itse ha molao oeo, ha botle, leha e le monona khotsa mosari, eo o tla eañ kua khosiñ mo loloapeñ lo lo kua teñ, a sa birioe, o tla bolaoa, ha khosi e sa mo entsetse sepetera sa gouda, gore a tsele: mi ’na ga kia birioa go ea kua khosiñ ka malatse a terete a.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane bahlanka ka moka ba kgosi le batho ba dilete ba be ba tseba gore go na le taelo ya gore monna le ge e le ofe goba mosadi yo a tlago go kgosi ka lapeng la ka gare a sa bitswa yo a rego o swanetse go bolawa, ntle le bao kgosi e tlago go ba swere molamo wa gauta, gore ba phele; eupsa ga se ka bitswa go tsena go kgosi matsatsi a masometharo.
Tswana Setswana 1970
“Batlhanka botlhe ba kgosi le batho ba mafatshe a kgosi ba itse gore mongwe le mongwe, le fa e le monna gongwe mosadi yo o tsenang kwa kgosing kwa lapeng la ka fa teng a sa bidiwa, o atlholwa ka molao o le mongwe gore a bolawe, fela fa e se yo kgosi e mo otlololelang thobane ya yona ya bogosi ya gouta gore a phele. Mme nna ga ke ise ke bidiwe go tsena kwa kgosing e setse e le malatsi a le 30.”