Esther 8:9 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo bakwaledi ba kgosi ba bidiwa ka lobaka loo, ka kgwedi ya boraro, e e leng kgwedi ya Sifane, ka letsatsi la bo 23 la yone; mme ga kwalwa ka fa go tsotlhe tse Moretekai o di laolelang Bajuta, le balaodisiwa, le balaodi, le magosana a dikgaolo tsa mafatshe, a a simololang kwa India go ya kwa Ethiopia, dikgaolo di le 127, ga kwalelwa kgaolo ngwe le nngwe ya lefatshe ka fa go kwaleng ga yone, le sešaba sengwe le sengwe ka fa puong ya sone, le Bajuta ka fa go kwaleng ga bone, le ka fa puong ya bone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ereha gona bakuari ba khosi ba birioañ ka motla ouo, ka khueri ea bo‐teri, eboñ khueri ea Sivana, le ka tsatsi ya eona ya bo‐tuente teri; mi ga kualoa kaha cotleñ tse Moredeke o li laoletseñ Bayuda, le likala, le balaorisioi, le balaori ba likhaolo tsa bogosi, tse ri simololañ ka India go ea Etiopia, eboñ likhaolo tsa bogosi li uan hundereda le tuente seven, go khaoloñ ea bogosi eñue le eñue, kaha lokualoñ loa eona, le go bathu botle kaha puoñ tsa bona, le go Bayuda kaha kualoñ loa bona, le kaha puoñ ea bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka nako yeo bamangwalo ba kgosi ba bitswa ka kgwedi ya boraro, ka gore kgwedi ya Sifane, ka letsatsi la masomepedi-tharo la kgwedi; le tsa ngwalwa go ya ka tsohle tseo Morodekai a di laetsego Bajuda, le dikgosana, le balaodi, le batlatsadilete, go tloga India go fihla Kuse, dileteng tse lekgolo tse masomepedi-supa, dileteng tse dingwe le tse dingwe tse dingwe, go ya ka mongwalo wa yona, batho ka moka go ya ka polelo ya bona, le Bajuda go ya ka mongwalo wa bona, le ka polelo ya bona.
Tswana Setswana 1970
Ke fa go bidiwa bakwaledi ba kgosi ka yona nako eo ka kgwedi ya boraro, e bong kgwedi ya Siwane e le 23, mme go kwalwa fela jaaka Moretogai a laela, go kwalelwa Bajuta le babusi ba bagolo le balaodi le dikgosana tsa mafatshe a a simologang kwa India go ya go fitlha kwa Ethiopia, e le mafatshe a le 127; lefatshe lengwe le lengwe la kwalelwa ka mokwalo wa lone le morafe mongwe le mongwe ka puo ya ona le Bajuta ka mokwalo wa bone le ka puo ya bone.