Exodus 27:21 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mo mogopeng wa bophuthegelo, fa ntle ga sesiro se se fa pele ga tshupo, a Arone le bomorwawe ba nne ba go rulaganye fa pele ga Jehofa, ba tsene maitseboa go ya mosong; e nne molao ka bosakhutleng go ya le dikokomana tsa bone, ba dire ba le mo boemong jwa bana ba Iseraele.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
A Arone le bomoroaue ba rulaganye mo tenteñ ea kokoanelo kua eintle ga setsiro, se se ha pele ga seshupo; go simolola ka matsiboea go ea moshoñ, ha pele ga Yehova: seo se, a se ne taeo e e sa khutleñ go bana ba Yeserele mo kokomaneñ tsa bona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka tenteng ya kopano, ka ntle ga sesiro le pele ga sesiro, Arone le barwa ba gagwe ba tla e boloka ka thulaganyo go tloga mantsiboa go fihla mesong pele ga Jehofa.
Tswana Setswana 1970
A Arone le bomorwawe ba lo baakanye mo Tempelaneng ya Boipontsho ka fa ntle ga lesire le le sireleditseng Letlole la Tshupo gore lo tuke go tloga mantsiboana go ya mo mosong fa pele ga Morena. Selo se ke molao o o nnetseng ruri wa Baiseraele le wa ditshika tsa bone.