Exodus 28:21 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Majana ao a nne jaaka maina a bana ba Iseraele, a le 12, ka fa maineng a bone; a nne jaaka mogabo wa lentswana la sekanela, mongwe le mongwe ka fa leineng la gagwe, e nne a ditso tse 12.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a mayana a ne le maina a bana ba Yeserele; a tueleve, kaha maineñ a bona; yaka kualo tsa tseto tsa sekanelo, leñue le leñue le leina ya yeona; a a ne kaha licoñ li tueleve.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Maswika a tla ba le maina a bana ba Baiseraele, a lesomepedi, go ya ka maina a bona, a swana le dipelo tsa leswao; e nngwe le e nngwe e be e e-na le leina la yona go ya ka meloko e 12.
Tswana Setswana 1970
A majwana ao a nne lesome le bobedi ka fa maineng a bomorwa Iseraele. Lentswana lengwe le lengwe le nne le leina la lotso longwe lwa ditso tse di lesome le bobedi le kwadilwe ka go gwaiwa jaaka sekano.