Exodus 28:30 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mo letlatleng la sehuba, la katlholo, o tsenye Urime le Thumime; mme dilo tseo di nne fa pelong ya ga Arone, fa a tsena a ya go ema fa pele ga Jehofa; Arone o tlaa ya a tshotse katlholo ya bana ba Iseraele fa pelong ya gagwe fa pele ga Jehofa ka metlha yotlhe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi u tsenye Urima le Tumima mo mokhaboñ oa sehuba oa tsiamisho: mi a li ne ha peluñ ea ga Arone ha a tsena ha pele ga Yehova; mi Arone a belege tsiamisho ea bana ba Yeserele ha peluñ ea gague ha pele ga Yehova ka gale.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O tsenye Urime le Thumime ka arekang e kgethwa; di tla ba dipelong tsa Arone ge a tsena pele ga Jehofa;
Tswana Setswana 1970
Gape dira ditengwa tse di bidiwang Lesedi le Tshiamo, o di tsenye mo kgwatlhaneng ya katlholo gore di nne fa pelong ya ga Arone, fa a tsena go ema fa pele ga Morena. Arone o tla rwala katlholo ya Baiseraele jalo fa pelong ya gagwe fa pele ga Morena ka gale.