Exodus 28:38 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Se nne fa phatleng ya ga Arone, mme Arone a rwale tshiamololo ya dilo tse di itshepileng, tse bana ba Iseraele ba tlaa di itshepisang mo dineong tsotlhe tsa bone tse di itshepileng; se nne fa phatleng ya gagwe ka metlha yotlhe, gore di amogelwe fa pele ga Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a le ne mo phatleñ ea ga Arone, gore Arone a belege tsiamololo ea lilo tse ri itsephileñ, tse bana ba Yeserele ba tla li tsephañ mo neoñ tse ri itsephañ tsa bona cotle; mi a le ne ka gale mo phatleñ ea gague, gore ba natehe ha pele ga Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
E tla ba molaleng wa Arone, le Arone o tla rwala molato wa dimpho tse kgethwa tseo bana ba Baiseraele ba tlago go di kgethagatsa le dimpho tsa bona ka moka tse kgethwa; e tla ba molaleng wa gagwe ka mehla, gore ba amogelwe pele ga Jehofa.
Tswana Setswana 1970
A e nne mo phatleng ya ga Arone gore Arone a rwale melato ya Baiseraele ya go fosetsa tse di boitshepo tse ba di itshepisang, e bong dineo tsotlhe tse ba di kgethelang Felo-ga-Boitshepo. A e nne mo phatleng ya ga Arone ka gale gore ba tle ba kgatlhe Morena.