Exodus 37:27 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A se direla melepo e le mebedi ya gouta ka fa tlase ga segomo sa sone mo dikgopong tsa sone tse pedi, ka fa ditlhakoreng tsa sone tsoo pedi, e le masomelelo a disikaro tse se sikarwang ka tsone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a e rihela mehitsana e le tu ea gouda, ha tlatse ga segomo sa eona, mo tlakoreñ li tu tsa eona, ha tlakoreñ co tu tsa eona, go tsenya litsikaro go eona, go e sikara ka cona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A e direla dipalamonwana tse pedi tsa gauta ka tlase ga mphapahlogo wa yona, dikhutlo tse pedi tsa yona, ka mahlakoreng a mabedi, gore e be mafelo a dikota tsa go e rwala.
Tswana Setswana 1970
A e direla melepo e le mebedi ya gouta fa tlase ga segaolo mo ntlheng tse pedi mo ditlhakoreng tse pedi tsa yona, e le masomelo a dithobane tse e sikarwang ka tsona.