Exodus 7:19 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehofa a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago o otlolole letsogo la gago godimo ga metsi a Egepeto, godimo ga dinoka tsa bone, godimo ga dinokana tsa bone, le godimo ga makgelebe a bone, le godimo ga madutela a bone, gore a tle a fetoge madi; mme go tlaa nna madi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto, mo dilwaneng tsa dikgong, le mo dilwaneng tsa maje.’ ”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Yehova a raea Moshe, Raea Arone, Tsaea tsama ea gago, mi otlololela atla sa gago gorimo ga linoka tsa Baegepeto, le gorimo ga kelelo tsa bona, le gorimo ga melapo ea bona, le gorimo ga matsa a bona, le gorimo ga mariba a bona, gore a ne mari; gore mari a ne mo hatsiñ yeotle ya Egepeto, mo lipakoñ tsa likhoñ, le mo lipakoñ tsa maye.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka moka Jehofa a re go Moše: “Botsa Arone: ‘Tsea lepara la gago o otlollele seatla sa gago godimo ga metsi a Egepeto, godimo ga melapo ya yona le godimo ga melapo ya yona le godimo ga melapo ya yona le godimo ga matamo a yona metsi ka moka, gore e be madi; le gore go tla ba le madi nageng ka moka ya Egepeto, bobedi ka dibjaneng tsa kota le ka dibjaneng tsa maswika.
Tswana Setswana 1970
Morena a raya Moše a re: “Raya Arone o re: ‘Tsaya thobane ya gago, o otlolole letsogo godimo ga metsi a Baegepeto le godimo ga dinoka tsa bone le dinokana tsa bone le matsha a bone le megobe yotlhe, fa metsi a phuthegelang teng gore a fetoge madi.’ Madi a tla nna teng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto le mo megopong ya logong le ya letsopa.”