Exodus 8:17 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba dira jalo; Arone a otlolola letsogo la gagwe le tshotse thobane ya gagwe, a itaya lorole lwa lefatshe, mme ga nna dinta mo mothong le mo diruiweng; lorole lotlhe lwa lefatshe lwa nna dinta mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba riha yalo; gone Arone a otlolola atla sa gague le tsama ea gague, a daea lorole loa lehatsi, mi loa na linta mo bathuñ, le mo likhomuñ; lorole lotle loa lehatsi loa na linta, mo hatsiñ yeotle ya Egepeto.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Le ba dira bjalo; ka gobane Arone o ile a otlolla seatla sa gagwe ka lepara la gagwe le a itia lerole la lefatshe le la fetoga ditshosane godimo ga batho le diphoofolong; Lerole ka moka la lefatshe la fetoga lerole nageng ka moka ya Egepeto.
Tswana Setswana 1970
Ba dira jalo; Arone a tsholetsa letsogo a tshwere thobane ya gagwe, a itaya lerole la lefatshe. Ke fa menang e tlela batho le diruiwa. Lerole lotlhe la lefatshe la fetoga menang mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.