Ezekiel 1:16 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ponalo ya maoto a a dikologang le ya tiro ya yone e ne e ntse jaaka mmala wa lentswe la berile; mme ao mane a le tshwano e le nngwe fela: ponalo ya one le tiro ya one go ne go ntse jaaka e kete ke lekotwana le le dikologang mo teng ga lekoto le lengwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ponalo ea liuile le tiho ea cona e le le yaka mala oa berulo: mi li for tseuo tsa bo li na le cuano e le ñue: mi ponalo ea cona le tiho ea cona e le le yaka uile e ha gare ga uile e ñue.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ponagalo ya maotwana le modiro wa ona e be e swana le mmala wa koung, le ona a mane a na le seswantsho se tee, le ponagalo ya ona le modiro wa ona e be e le ponagalo ya leotwana gare ga leotwana.
Tswana Setswana 1970
Ponalo ya maotwana le ya go dikologa ga ona e ne e tshwana le go tsabakela ga taemane e tala. A bopegile ka go tshwana ka bone jwa ona. Ponalo ya ona le ya go dikologa ga ona, e kete leotwana le ne le le mo teng ga leotwana le lengwe.