Ezekiel 12:3 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Ke gone wena morwa motho, o ipaakanyetse thoto ya khudugo, mme o e hudutshe go le motshegare mo ponong ya bone; o tloge mo bonnong jwa gago o hudugele gosele mo ponong ya bone; e tlaa re kgotsa ba gopole, le fa ba le ba lekgotla le le borukhutlhi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona, uena moroa mothu, ipakanyetsa lilo tsa khurugo, mi u huruge ka letsatsi ha pele ga maitlo a bona; mi u huruge mo heloñ ga gago go ea kua heloñ ha goñue ha pele ga maitlo a bona: ekare khotsa ba tlokomela, leha ba le ntlu ea cuulolo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Wena morwa wa motho, lokisa dilo tsa gago, o di bee gare ga mahlo a bona; tloga lefelong la gago o ye lefelong le lengwe pele ga bona;
Tswana Setswana 1970
“Mme wena morwa-motho, ipaakanyetse di-tsa-khudugo, o huduge motshegare ba ntse ba go bona, o tlogele felo ga gago, o ye kwa felong go sele fa pele ga matlho a bone. Ka gongwe ba tla lemoga sengwe. Gonne bone ke losika lwa baitaodi.