Ezekiel 16:13 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Wa kgabisiwa jalo ka gouta le selefera; diaparo tsa gago e ne e le leloba le le boleta le sei, le marorodi; o ne wa ja setou, dinotshe le lookwane; o ne o le montle thata, wa segofala, wa ba wa tla wa fitlha mo popegong ya segosi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ua khabisioa yalo ka gouda le selevera; mi aparo tsa gago e le le lene ye le lokhehe, le sei, le marorori; ua ya setou, le linotse, le loukuane: mi ua na moiñtle bogolu segolu, mi ua tsegohalela mo bogosiñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
O kgabisitswe ka gauta le silifera; le diaparo tsa lena tsa lesela le lebotse, le silika, le dilo tse di logeletswego; a ja bupi bjo bobotse, todi le mafura, a ba yo mobotse kudu, a atlega mmusong.
Tswana Setswana 1970
Wa kgaba jalo ka gouta le ka selefera. Diaparo tsa gago e ne e le tsa masela a mantle le tsa sei le tsa marabata. Wa ja dikuku le dinotshe le lookwane. Wa ba wa nna montle thata, wa tswelela pele, wa bona bogosi.