Ezekiel 29:19 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone ka moo Morena Modimo o bua jaana, a re: Bona, ke tlaa naya Nebukatenesare kgosi ya Babilone lefatshe la Egepeto; mme o tlaa tlosetsa bontsi jwa lone koo, o tlaa thopa a gapa dilo tsa lone; mme e tlaa nna maduo a ntwa ya gagwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona go buañ yalo Yehova Morena: bona, ki tla nela Nebukadenetsare khosi ea Babelona lehatse ya Egepeto: mi o tla tlosa bontsi yoa yeona, a gapa khapo ea yeona, a thopa thopo ea yeona; mi le tla na lituelo tsa ntua ea gague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona, Morena Modimo o re: Bona, naga ya Egepeta ka e neela Nebukadinetsara kgosi ya Babele. O tla tsea lesaba la yona, a e thopa, a e thopa; le se e tla ba moputso wa madira a gagwe.
Tswana Setswana 1970
Ke ka moo Morena Modimo o buang jaana o re: “Bonang, ke tla neela Nebukatenesare, kgosi ya Babele, lefatshe la Egepeto gore a tlose khumo ya lone, a thope dithoto tsa lone, a thukhuthe dilo tsa teng gore e nne tuelo ya mephato ya gagwe.