Ezekiel 30:18 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Le gone kwa Tagepenese motshegare o tlaa ngongwaela, mogang ke robelang teng dijokwe tsa Egepeto, pelafalo ya thata ya gagwe e tlaa khutla mo go ene; mme ka ga gagwe leru le tlaa mo khurumetsa, le bomorwadie ba tlaa ya botshwarong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi tsatsi le tla hihiharioa mo Tafanehesa, mogañ ki robañ liyokoe tsa Egepeto gona: mi bopeluumpe yoa thata ea yeona bo tla khutla go ona: kaga ona, leru le tla o khurumetsa, mi bomoroaria ona ba tla ea bocuaroñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Kua Tehafne letsatsi le tla fifala, ge ka tla roba joko ya Egepeto moo; seetsa sa matla a gagwe se tla mo felela, leru le tla mo apesa, le barwedi ba gagwe ba tla thopsa.
Tswana Setswana 1970
Mo Thagephanese go tla nna lefifi motshegare, mogang ke robang ditsamma tsa bogosi jwa Egepeto teng, mme go ikgantsha ka thata ya gagwe go khutlisiwa gona. Leru le tla mo khurumetsa. Batho ba metse ya gagwe ba tla ya mo botshwarong.