Ezekiel 31:15 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Morena Modimo o bua jaana, a re: “E rile ka tsatsi le o fologetseng ka lone mo Bobipong, ka tsosa bohutsana; ka mo khurumeletsa boteng, ka kganela dinoka tsa lone, mme metsi a magolo a emisiwa; ka mo hutsafaletsa Lebanone, le ditlhare tsotlhe tsa naga tsa mo idibalela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go bua yalo Yehova Morena: Ka hutsahatsa ka tsatsi ye o hologelañ bobipoñ ka yeona: ka mo khurumeletsa boteñ, mi ka thiba meroalela ea yona, mi metse a magolu a khorelerioa: mi Lebanona ka e mo hutsa-haletsa, mi litlare tsa naga cotle tsa mo iribalela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Morena Jehofa o boletse; Ge a theoga lebitleng, ka ile ka fifatsa; Ka dira gore Libanone e mo llele, le dihlare ka moka tsa naga gore di mo llele.
Tswana Setswana 1970
“Morena Modimo o bua jaana o a re: ‘E rile ka letsatsi le o fologetseng kwa felong ga baswi ka lone, ka tsosa bohutsana, ka khurumetsa metsi a a boteng ka ntlha ya ona, ka thibela dinoka tsa ona, metsi a mantsi a emisiwa; ka apesa Lebanone bontsho ka ntlha ya ona, mme ditlhare tsotlhe tsa naga tsa swaba ka ntlha ya ona.