Ezekiel 39:11 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re: Ke tlaa naya Goge felo ga phitlhelo mo Iseraele, mogogoro wa ba ba kgabaganyang ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi ga lewatle; mme go tlaa kganela bone ba ba kgabaganyang; ba tlaa fitlha Goge teng, le bontsi jotlhe jwa gagwe; ba tlaa o raya leina ba re: Mogogoro wa Hamone-goge.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi go tla rihala mo motleñ ouo, ki tla naea Goge helo ga bohitlo gona mo Bayesereleñ, mo mogorogoroñ oa bona ba ba khabaganyetsañ Iseteñ ea leoatle: mi bo tla thiba ba ba khabaganyañ: mi ba tla hitla Goge le bontsi yeotle yoa gague gona: mi ba tla go bitsa, Mogorogoro oa bontsi yoa Goge.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Letsatsing leo ka tla nea Gogo lefelo la poloko kua Baiseraele, moedi wa bagwebi ka lehlakoreng la ka bohlabela la lewatle. Le e tla thiba menwana ya banamedi; ba tla go bitsa moedi wa Hamongogo.
Tswana Setswana 1970
“ ‘E tla re ka letsatsi leo ke neele Gogo felo ga mabitla mo lefatsheng la Iseraele, e leng mogorogoro wa baeti ntlheng ya botlhabatsatsi ya lewatle la letswai; mabitla a tla thibela baeti. Gogo le bontsi jotlhe jwa gagwe ba tla fitlhwa teng, go bidiwa “Mogorogoro wa makoko a ga Gogo”.