Ezekiel 40:16 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Go ne go le dipone tse ditshesane tsa matlwana a tebelo, le tsa maotwana a tsone mo tikologong ya kgoro, le tsa mekatako; go le dipone mo tikologong, tse di lebileng kwa teng, mme mo lekotwaneng lengwe le lengwe go ne go le ditlhare tsa makolane.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi gole gole liboni tsa matluana tse ri cualoañ, le tsa lipilara tsa aona kua teñ ga khoro tikologoñ cotle, le mo matluaneñ a pele: mi liboni tsa bo li le tikologoñ cotle kua teñ: mi mekolane e le le mo lipilareñ.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go be go na le mafasetere a masesane ka diphaposing le ka mahlakoreng a tsona, ka gare ga kgoro go dikologa, go fihla mojakong, ka gare go be go na le mafasetere go dikologa, sekhutlong sa kgoro ye nngwe le ye nngwe a go na le dihlare tsa mepalema.
Tswana Setswana 1970
Kgoro e ne e na le difenstere mo tikologong tse di thibilweng ka dithupa; di ne di le mo matlwaneng le mo maotwaneng, di lebile kwa teng ga lelapa; le leobo le ne le na le difenstere jalo mo tikologong, le tsona di lebile kwa teng ga lelapa. Mo maotwaneng go ne go tshwantshitswe mekolane.