Ezekiel 42:13 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Foo a nthaya a re: “Matlwana a a ka fa botsheka, le matlwana a a ka fa borwa, a a fa pele ga felo fa go lomologileng, ke one matlwana a a boitshepo, kwa baperesiti ba ba gaufi le Jehofa ba tlaa jelang teng dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng; ba tlaa baya teng dilo tse di boitshepo jo bo itshepileng, le tshupelo ya boupe, le tshupelelo ya boleo, le tshupelelo ya molato; gonne felo foo go boitshepo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ’nthaea, Matluana a Noreta le matluana a Souta, a a ha pele ga helo ga tomologo, ki matluana a a itsephileñ, a baperiseti ba ba atamelañ Yehova: ba tla yela lilo tsa itsepho ea maitsepho go aona; ba tla baea lilo tsa itsepho ea maitsepho gona, le cupelo ea liyo, le cupelo ea boleo, le cupelo ea molatu; gone helo go itsepho.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A re go nna: “Diphaposi tsa ka leboa le tsa borwa ka pele ga lefelo leo le aroganego ka diphaposi tse kgethwa, tseo go tsona baperisita bao ba batamelago Jehofa ba tlago go ja dilo tse kgethwa kudu; le sehlabelo sa bupi le sehlabelo sa sebe le sehlabelo sa molato; gobane lefelo leo ka le lekgethwa.
Tswana Setswana 1970
Ke fa a nthaya a re: “Matlwana a a mo ntlheng ya bokone le matlwana a a mo ntlheng ya borwa, a a ka fa ntle ga lebala le le ageletsweng ka lobotana, ona ke matlwana a a boitshepo kwa baperesiti ba ba atamelang Morena ba jelang gona, ba ja tse di boitshepotshepo. Ba tla baya tse di boitshepotshepo teng le ditshupelo le ditlhabelo tsa boleo le ditlhabelo tsa molato, gonne ke felo fa go boitshepo.